Jump to content

Aza Takho-Godi

Go tswa ko Wikipedia

Botshelo le Pereko[fetola | Fetola Motswedi]

Aza Takho-Godi
ThutoDoctor of Sciences in Philology
Alma materMoscow State Pedagogical University
TiroClassical Philologist, Translator
MohiriMaxim Gorky Literature Institute

Aza Alibekovna Takho-Godi (Russian: Аза Алибековна Тахо-Годи; o tshotswe ka masome a mabedi Phalane ka ngwaga wa Sekete le borobabongwe masome a mabedi le bobedi (26 October 1922) kwa Makhachkala, Dagestan, ele moSoviet le moRussia yo ne a ele moithuti wa dibuka, ditso le diampampiri tse di kwadilweng bogologolo (Philologist)[1]. Ka ngwaga 1944[2][3] o ne a kopana le Aleksei Losev yo le ene ne a dira tiro e e tshwanang le gagwe ya bo Philologist, mme gape ele moithuti wa thutego e e ko godimo (Philosopher), ka ngwaga wa 1954 ba ne ba nyalana semmuso.

Mme Takho-Godi o ne a fetsa sekolo sa gagwe se segolwane ko Philological Faculty of Moscow State Pedagogical University[4] ka ngwaga wa 1944. O ne a kgona go fetisa dissertation ya gagwe e bidiwa «Поэтические тропы Гомера и их социальный смысл», ko Lomonosov Moscow State University[2]. Mme gape o ne a ruta ko Taras Shevchenko National University, sekolo se se kwa Kyiv go tswa 1948 go felela ka 1949, a bereka ele associate professor ko Moscow Regional Pedagogical Institute go simolola ka 1949 go felela ka ngwaga wa 1957[1].

Go simolola ka ngwaga wa 1958 go fitlha gompieno o berekela Lomonosov Moscow State University. Ka 1959 o ne a kgona go fetisa doctoral dissertation ya gagwe ko Gorky Institute of World Literature. Thesis ya gagwe «Античность и русские революционные демократы в связи с предшествующей им лит.-эстетической традицией»[2]. Ka ngwaga wa 1965, Mme Takho-Godi o ne a fiwa maemo a Professor[1]. Ka 1962 go fitlha 1996 o ne a nna moetelepedipele wa Department of Classical Philology ko Lomonosov Moscow State University[5]. Ka fa tlase ga boeteledipele jwa gagwe, dibuka tsotlhe tsa ga Plato di ne tsa gatisiwa ka puo ya se Russia (1990-1994). A felela a thusa go gatisiwa ga ditiro tsa ga Aleksei Losev, le go rulaganya Library-Museum "A.F. Losev House". Bibliography ya gagwe e remelela mo dingwageng tsa 1952 - 2023 e nale dikarolo tse di fetang sekete. Buka ya gagwe e bitswa "Life and Destiny: Memories" e sets e kill ya gatisiwa ga pedi (2009;2023).

Takho-Godi o ne a digela dingwaga di le Lekgolo ka Phalane 2022, mme a fiwa seetsele sa Order of Equal-to-the-Apostles Princess Olga ke Patriarch Kirill wa Moscow[6]

.

Dietseele le Go Lemogiwa[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Тахо-Годи Аза Алибековна [Takho-Godi Aza Alibekovna]. Molodaya Gvardiya (in Russian). Retrieved 27 November 2022.
  2. Тахо-Годи Аза Алибековна Takho-Godi Aza Alibekovna]. Moscow State Pedagogical University (in Russian). Retrieved 27 November 2022.
  3. Pushchaev, Yuri (27 October 2014). Аза Тахо-Годи: Лосев молился даже на ученых советах [Aza Takho-Godi: Losev prayed even at academic councils]. Foma Magazine (in Russian). Retrieved 27 November 2022.
  4. Тахо-Годи, Аза Алибековна.
  5. Святейший Патриарх Кирилл удостоил А.А. Тахо-Годи ордена равноапостольной княгини Ольги [His Holiness Patriarch Kirill honored A.A. Takho-Godi of the Order of Equal-to-the-Apostles Princess Olga]. Russian Orthodox Church (in Russian). 26 October 2022. Retrieved 27 November 2022.
  6. Novoselova, Elena; Yakovleva, Elena (25 October 2012). Аза Тахо-Годи: Личность органически воспроизводит культуру [Aza Takho-Godi: Personality Organically Reproduces Culture]. Rossiyskaya Gazeta (in Russian). Retrieved 27 November 2022.
  1. 1.0 1.1 1.2 https://gvardiya.ru/authors/taho-godi-aza-alibekovna
  2. 2.0 2.1 2.2 http://mpgu.su/graduates/taho-godi-aza-alibekovna/
  3. https://foma.ru/aza-taho-godi-losev-molilsya-dazhe-na-uchenyih-sovetah.html
  4. https://en.wikipedia.org/wiki/Moscow_State_Pedagogical_University
  5. https://tass.ru/encyclopedia/person/taho-godi-aza-alibekovna
  6. http://www.patriarchia.ru/db/text/5971680.html
  7. 7.0 7.1 7.2 7.3 https://gvardiya.ru/authors/taho-godi-aza-alibekovna
  8. http://www.patriarchia.ru/db/text/5971680.html
  9. http://www.patriarchia.ru/db/text/5971680.html